Maria Bird | |
---|---|
Tsalo | Maria Edith Bird 24 Phatwe 1891 Pietermaritzburg, Colony of Natal |
Leso | death date and age|1979|8|25|1891|8|24|df=y Westerham, Kent, England |
Tiro | Producer |
Notable work | Watch with Mother |
Maria Edith Bird yoo oneng a itsege thata ka leina la Marie o tshotswe ka Phukwi ale masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 1891 mme a thokafala ka Phukwi ale masome a mabedi le bothano ka 1979, ene ele modiragatsi oo tsholetsweng mo Africa Borwa mme a dira bodiragatsi jwa gagwe ko Enyelane (Britain).
O tsholetswe ko Pietermaritzburg, Colony of Natalko eneng ele boremelelo ja puso yaga Mmamosodinyana, mme one a tlhokafalela ale dingwaga tse 88 kwa motseng potlana wa Westharm ko a nnileng tleng lobaka. [1]
Ene ele kokomane ya ga Francis Bird oneng ele mmeti le Colonel Christopher Bird oneng ele mokwaledi mogolo ka nako ya puso ya bokolone (Colonial Secretary) ko Cape Town Castle ko a feletseng a fiwa tota kago reelela lefelo lele itsegeng kago seriletsa ditsa tholegoko kwa Kirstenbosch mo Africa Borwa bare Colonel Bird's Bath. [2]
Mme mmagwe one a fudusa bana ba gagwe ko Natal Colony aba isa kwa UK goya go tsena dikole ko Maria aneng a tsena ko Scottish convent.
Go fetseng sekole sa gagwe one a go ithuta mmino wa Dalcroze eurhythmics ko tase ga thotoletso yaga Émile Jaques-Dalcroze in Dessau. [3]
Maria Bird one a thusa go tlhama lego semodia BBC Children's Television le tsala ya gagwe Freda Lingstrom ko gape aneng a simolodia kopone ya bodiratsi ya Westerham Arts e eneng ya thamiwa ke kompone ya BBC go dira simolola mananeo a ditshwantso tsa motshikinyego tsedi neng di akeretsa engwe eneng e bitswa The Woodentops (1955), Flower Pot Men (1952) le Andy Pandy (1950). [4] Boremelelo ja kompone ya WesterhamArts ene ele ko Chartwell Cottage ee neng ele yaga Bird and Lingstrom eneng ya felelwa e filwe National Trust ee bapileng le Chartwell Estate.
Maria le Freda bane ba aga ntlwana mo tshikwaneng mo lapeng eneng ko eneng ditswantsho tsa mosikinyego di diriwang teng. Mo bodiragatsing ka gagwe ene ele mokwadi [5],moranodi [6] ebile ele moopedi [7].
Metswedi