Seswaa (kgotsa chotlho ) dijo tsa setswana tsa mo Botswana, tse di dirilweng ka nama, le fa nako dingwe se dirwa ka nama ya Podi kgotsa ya Nku. Nma e e mafura e apewa lobaka le le leele go fitlhelela e botswa thata mo dipotong tse ditona, ka letswai le le ntsi, e bo e kgaogangwe kgotsa e sitiwa. Se ete se shabiwe ka morogo kgotsa mabele. Seswaa ke dijo tse di apewang ka nama ya kgomo ka mogote o lekane go fitlhela e butswa, mme moragonyana e setwe e bo e tsengwa letswai go jewa ka phaletshe. Ke dijo tsa Batswana tse di tlotlegang bogolo jang mo meletlong e tshwana Dintsho le Manyalo. Gantsi nama ya Seswaa e ka apewa go dirisiwa Podi, Nku, Koko kgotsa Kgomo. Go apaya nama go motlhofo, mme go e setla ke kgwetlho. Ditsetlana tsa go apaya di tlhalosa gore e tshwanelwa ke go setlwa ka legong le le thata gore e sale o kare e kgebeteletswe ka ditokinyana.